William Shakespeare 
Dintshontsho Tsa Bo – Juliuse Kesara [PDF ebook] 

支持

Dintšhontšho tsa bo-Juliuse Kesara ke phetolelo ya Setswana ya Julius Caesar ya ga Shakespeare ka mokwadi, moakanyi wa Mo Aforika le seitseanape sa puo Sol T. Plaatje, yo gape e neng e le modiragatsi yo o nang le bokgoni wa serala. Plaatje o rakane la ntlha le ditiro tsa ga Shakespeare fa a bona tiragatso ya Hamlet e sa le lekawana, mme seo se ne sa tsosa lerato le le boitshegang mo pelong ya gagwe la ditiro tsa mokwadi yoo wa Mo Elisabeta. Dingwaga di le dintsi morago ga foo o fetoletse diterama tsa ga Shakespeare di balwa mo puong ya Setswana mo dikgatisong tsa Mabolelo a ga Tsikinya-Chaka (‘The Sayings of Shakespeare’). Dintšhontšho tsa bo-Juliuse Kesara e gatisitswe dingwaga di le tlhano morago ga loso lwa ga Plaatje, ka 1937. E gatisitswe mo metseletseleng ya Bantu (moragonyana African) Treasury Series ya Univeristy of the Witwatersrand Press.

 

Go fetolela diterama tsa ga Shakespeare mo Setswaneng go thusitse go godisa le go naya serodumo mokwalo wa boitlhamedi wa diterama o o neng o sa tlwaelega thata mo malobeng. Go bontshitse gape khumo le nonofo ya tlotlofoko ya Setswana mme ga thusa Plaatje go tlhabolola puo ya gaabo jaaka e ne e le maikaelelo a gagwe.

€23.06
支付方式
购买此电子书可免费获赠一本!
格式 PDF ● 网页 148 ● ISBN 9781776141098 ● 翻译者 Sol T. Plaatje ● 出版者 Wits University Press ● 发布时间 2022 ● 下载 3 时 ● 货币 EUR ● ID 8825611 ● 复制保护 Adobe DRM
需要具备DRM功能的电子书阅读器

来自同一作者的更多电子书 / 编辑

5,028,198 此类电子书